Bosula jwa batho mo malatsing a bofelo
1 Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete. 2 Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele.