Bosula jwa batho mo malatsing a bofelo
1 Mme Timotheo gape itse se, gore mo malatsing a bofelo go tlaa nna bokete thata go nna Mokeresete. 2 Gonne batho ba tlaa nna baithati le barati ba madi a bone; ba tlaa nna maikgantsho le mabela, ba sotla Modimo, ba sa utlwe batsadi ba bone, ba sa ba tlotle, ebile ba le bosula gotlhelele. 3 Ba tlaa nna ditlhogo di thata ebile ba sa ineele mo go ba bangwe; ba tlaa nna baaki ba gale le dirukhutlhi ebile ba tlaa natefelwa ke mekgwa yotlhe e e bosula. Ba tlaa nna setlhogo, mme ba tlaa sotla ba ba lekang go dira tshiamo.