Paulo o kopa go rapelelwa
1 Sa bofelo, bakaulengwe ba ba rategang, jaaka ke tla mo pheletsong ya lokwalo lo, ke lo kopa go re rapelela. Rapelelang pele gore molaetsa wa Morena o aname ka bofefo o bo o fenye gongwe le gongwe kwa o anamelang teng, o gape basokologi gongwe le gongwe jaaka o ne wa dira fa o tla kwa go lona. 2 Rapelelang gape gore re gololwe mo diphapaanong tsa batho ba ba bosula, gonne ga se mongwe le mongwe yo o ratang Morena.