2 Tsala e e rategang, ke rapelela gore o segofale mo dilong tsotlhe le gore mmele wa gago o itekanele fela jaaka ke itse ka fa mowa wa gago o itekanetseng ka teng. 3 Bangwe ba bakaulengwe ba ba kileng ba tla kwano ba intumedisitse thata ka go mpolelela gore botshelo jwa gago bo phepa ebile bo boammaaruri ka nako tsotlhe, le gore o tshela kafa Mafokong a a Molemo. 4 Go ne go se na boitumelo bope jo ke neng ka nna najo go gaisa go utlwa dikgang tse di ntseng jalo ka bongwanake.
Publicidade