9 Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe.
10 Mme ka utlwa lentswe le goela kwa godimo le kgabaganya magodimo le re, "Go diragetse kwa bofelong! Poloko ya Modimo le nonofo le puso, le taolo ya ga Keresete Morwa one gompieno di tsile; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa lefatsheng a tswa mo legodimong, yo o ntseng a ba pateletsa bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona.