Morwa Modimo le ba ba bolokilweng
1 Mme ka bona Kwana a eme mo Thabeng ya Sione mo Jerusalema, mme a bo a na le batho ba le dikete di le lekgolo le masome a mane le bone ba ba neng ba na le leina la gagwe le leina la ga Rraagwe le kwadilwe mo diphatleng tsa bone. 2 Mme ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong ekete mosumo wa metse a magolo kgotsa tumo e kgolo ya maru. E ne e le moopelo wa batho ba letsa diharepa.
3 Mme baopedi ba ba ditswerere ba, ba ba neng ba le sekete le masome a mane le bone, ba opela sefela se se monate se sesha fa pele ga setilo sa bogosi sa Modimo le fa pele ga ditshedi tse nne le bagolwane ba ba masome a mabedi le bone; mme go ne go se na ope yo o ka opelang sefela se fa e se ba ba sekete le masome a mane le bone, ba ba neng ba golotswe mo lefatsheng. 4 Gonne ga ba a leswafadiwa ke sepe mo meweng, ba itshekile jaaka makgarebane, ba sala Kwana morago gongwe le gongwe kwa o ya teng. Ba ne ba rekilwe mo gare ga batho ba ba mo lefatsheng e le ba ba tshwaetsweng Modimo. 5 Ga go na maaka a ba ka bewang molato ka one, ga ba na selabe sepe.