13 Mme ka bona mewa e le meraro e e bosula e e itirileng jaaka digwagwa e tswa mo molomong wa Kgogela, Sebatana, le Moporofiti wa sone wa Tsietso. 14 Mme mewa e e maswe e e neng e dira dikgakgamatso, ya buisanya le babusi botlhe ba lefatshe go ba phutha go tlhabana le Morena ka Letsatsi le legolo la Katlholo le le tlang.
15 "Bona, Ke tlaa tla ka tshoganetso jaaka legodu! Go sego botlhe ba ba ntetetseng, ba ba bolokang dikobo tsa bone di siame gore ba seka ba tlhokana le go tsamaya ba sa ikatega le go tlhabisiwa ditlhong."
16 Mme ba phuthela mephato yotlhe ya ntwa ya lefatshe gaufi le felo fa go bidiwang, Amaketone ka Sehebera, ebong Thaba ya Megita.