Pular para o conteúdo
Publicidade

Tshenolo 17:1-4

Mosadi wa seaka o palame Sebatana

1 Mme mongwe wa baengele ba ba su pang ba ba neng ba tshololetse dipetso mo lefatsheng a tla a bua le nna. A re, "Ntshala morago, ke tlaa go supegetsa se se tlaa diragalelang seaka se se tumileng; se se ntseng mo godimo ga metse a mantsi a lefatshe. 2 Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa akafala naso, le batho ba tagisitswe ke mofine wa boaka jwa sone."

3 Jalo moengele a ntsaya ke le mo moweng a nkisa kwa sekakeng. Teng koo ka bona mosadi a palame sebatana se se hibidu se se neng se na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, se kwadilwe matlhapa gongwe le gongwe ka mafoko a a tlhapatsang Modimo. 4 Mosadi yo o ne a apere diaparo tse di borokwa le bohibidu le manyena a mantle a a dirilweng ka gauta le majana a botlhokwa le ditalama, mme a bo a tshotse phafana ya gauta e tletse tse di makgapha, ebong dilo tse di maswe tsa kgokafalo ya gagwe.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.