Publicidade

Apocalipse 19

11 Mme ka bona legodimo le bulegile mme pitse e tshweu e eme gone; Mme leina la yo o neng a palame pitse e ne e le "Boikanyego le Boammaaruri", ene yo o atlholang a bo a dira ntwa ka tshiamo. 12 Matlho a gagwe a ne a tshwana le dikgabo tsa molelo, mme mo tlhogong ya gagwe ga bo go le dirwalo tse dintsi. Leina le ne le kwadilwe mo phatleng ya gagwe, mme ya bo e le ene fela yo o itseng tlhaloso ya lone. 13 O ne a apere diaparo tse di innweng mo mading, mme leina la gagwe e ne e le "Lefoko la Modimo." 14 Mme dintwa tsa legodimo, di apere letsela le le borethe, le le phepa le le sweu, tsa mo sala morago di palame dipitse tse di tshweu.

15 Mo molomong wa gagwe a bo a tshotse chaka e e bogale go kgemetha dichaba; o ne a di busa ka thobane ya tshipi; mme a gataka segatisetso sa mofine sa bogale jwa Modimo Mothata-yotlhe. 16 Mo kobong ya gagwe le mo seruping ga bo go kwadilwe mokwalo o: "KGOSI YA DIKGOSI LE MORENA WA BARENA."

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-