4 Mme ka bona ditilo tsa bogosi, mme ba ba neng ba ntse mo go tsone e ne e le ba ba neng ba neetswe taolo ya go atlhola. Mme ka bona mewa ya ba ba neng ba kgaotswe ditlhogo ka ntlha ya go supa ka Jesu, le go bolela Lefoko la Modimo, le ba ba neng ba se ka ba obamela sebatana le setshwantsho sa sone sa leje, kgotsa go amogela lotshwao lwa sone mo diphatleng tsa bone kgotsa mo diatleng. Ba ne ba rudile mme jaanong ba busa le Keresete selekanyo sa dingwaga di le sekete.
Publicidade