Pular para o conteúdo
Publicidade

Ditiro 12:5,7,10,12-16

5 Mme thapelo e e nonofileng e tswa mo phuthegong e ne ya tsena kwa Modimong gore Petere a babalesege ka nako tsotlhe fa a sa ntse a le mo kgolegelong.

7 fa ka tshoganetso go nna lesedi mo ntlwaneng ya kgolegelo mme moengele wa Morena a ema fa thoko ga ga Petere! Moengele a mo itaya fa lotlhakoreng go mo tsosa, a mo raya a re, "Tsoga ka bonako!" Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe!

10 Ba ne ba feta ntlwana ya kgolegelo ya bobedi, mme ba tla fa kgorong ya tshipi fa mmileng, mme ya ba bulegela ka bo yone! ba feta ba tsamaya botlhe, mme moengele a mo tlogela.

12 Morago ga a itharabologelwa a ya kwa lwapeng lwa ga Marea, mmaagwe Johane Mareko, kwa ba le bantsi ba neng ba kgobokanetse thapelo teng.

13 O ne a kokota fa setswalong, se se kwa ntle, mme mosetsana yo o bidiwang Roda a tla go bula. 14 Erile fa a lemoga lentswe la ga Petere, a itumela thata mo a neng a tabogela mo teng go bolelela mongwe le mongwe gore Petere o eme kwa ntle mo mmileng. 15 Ga ba a ka ba mo dumela. Ba ne ba re, "O a tsenwa," mme erile a tlhomamisa ba re, "E tshwanetse ya bo e le moengele wa gagwe. (Ba tshwanetse ba bo ba mmolaile)."

16 Ka lobaka loo Petere ene o ne a tsweletse a kokota.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.