Pular para o conteúdo
Publicidade

Ditiro 13

Go rongwa ga ga Barenabase le Saulo

1 Mo baporofiting le mo baruting ba phuthego kwa Antioka go ne go le Barenabase le Simeone (yo gape o neng a bidiwa "Monna Montsho"), le Lukio (wa Kurene), le Manaene (yo o otletsweng gongwe le Kgosi Herode), le Saulo. 2 Letsatsi lengwe banna ba, ba ntse ba rapela ba bile ba itimile dijo, Mowa O O Boitshepo wa re, "Ntomololelang Barenabase le Saulo go dira tiro e e tlhophegileng e ke e ba bileditseng." 3 Mme morago ga go itima dijo le go rapela, ba ba baya diatla, mme ba ba naya tsela.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.

Veja também