2 Letsatsi lengwe banna ba, ba ntse ba rapela ba bile ba itimile dijo, Mowa O O Boitshepo wa re, "Ntomololelang Barenabase le Saulo go dira tiro e e tlhophegileng e ke e ba bileditseng." 3 Mme morago ga go itima dijo le go rapela, ba ba baya diatla, mme ba ba naya tsela.
Saulo o rera kwa Kupero
4 Mme ya re ka go gogwa ke Mowa O O Boitshepo ba ya kwa Seleukia ba bo ba ya kwa Kupero.