Pular para o conteúdo
Publicidade

Ditiro 18:1-11

Paulo o mo Korintha

1 Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha. 2,3 Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene.

4 Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika. 5 Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia. 6 Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, "A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba."

7 Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto. 8 Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa.

9 Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, "O seka wa boifa! Bua! Se didimale! 10 Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me." 11 Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.