12 Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe. 13 Ba ne ba re, "Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma." 14 Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, "Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa, 15 mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame." 16 Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo.
17 Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe.