13 Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, "Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!" 14 Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo. 15 Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, "Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?" 16 Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata.
Publicidade