1 Mme erile go setse go fetile dibeke di supa, morago ga loso le tsogo ya ga Jesu, ga fitlha letsatsi la Pentekosete. Ya re ka letsatsi leo badumedi ba phuthega, 2 ka tshoganetso ga utlwala mosumo o ka re wa sefefo se segolo kwa loaping kwa godimo ga bone, mme wa tlala ka ntlo e ba neng ba phuthegetse mo go yone. 3 Hong, ga bonala kwa go bone sengwe ekete dikgabo kgotsa diteme tsa molelo mme tsa nna mo ditlhogong tsa bone. 4 Mme botlhe ba ba neng ba le teng ba tladiwa ka Mowa O O Boitshepo, mme ba simolola go bua ka dipuo tse ba sa di itseng, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa ba naya nonofo e.
5 Mme ga bo go le Bajuta ba le bantsi ba ba boifang Modimo mo Jerusalema ka letsatsi leo mo moketeng wa tumelo, ba tswa mo dichabeng tse dintsi.