44 "Mme borraetsho mogolwagolwane ba ne ba tsamaya le motlaagana ba ralala sekaka. Mo teng ga one ba ne ba beile matlapa a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. Kago e, e ne e agilwe fela ka thulaganyo e Moshe o neng a e kaetswe ke moengele. 45 Erile morago ga dingwaga, fa Joshua a eteletse pele dintwa kgatlhanong le Badichaba, Motlaagana o ba tsena nao mo lefatsheng le lesha, mme wa dirisiwa go fitlhelela mo lobakeng lwa ga Kgosi Dafide.
46 "Modimo o ne wa segofatsa Dafide a kopa tetlelelo ya go agela Modimo wa ga Jakobe Tempele e e siameng. 47 Mme tota e ne ya agiwa ke Solomone. 48,49 Le fa go ntse jalo, Modimo ga o nne mo Ditempeleng tse di agilweng ka diatla tsa batho. Morena o bua ka baporofiti jaana a re, ‘Legodimo ke setilo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me’. Morena o botsa jaana a re, ‘Lo ka nkagela ntlo e e ntseng jang? A ke ka nna mo go yone? 50 A ga ke a dira legodimo le lefatshe?’