Pular para o conteúdo
Publicidade

Ditiro 8

18 Erile Simone a bona se, gore Mowa O O Boitshepo o ne o fologela mo bathong fa Baaposetoloi ba ba baya diatla, a ntsha madi go reka nonofo e. 19 Mme o ne a re, "Le nna nnayang nonofo e, gore mongwe le mongwe yo ke mmayang diatla a amogele Mowa O O Boitshepo!"

20 Mme Petere a mo fetola a re, "A madi a gago a nyelele le wena gonne o gopola gore mpho ya Modimo e ka rekwa! 21 Ga o ka ke wa nna le seabe mo go se, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo. 22 Sokologa mo tshiamololong e, mme o rapele. Gongwe Modimo o tlaa itshwarela dikakanyo tsa gago tse di bosula, 23 gonne ke bona fa go na le lefufa le boleo mo pelong ya gago."

24 Mme Simone a re, "Nthapelela gore dilo tse di maswe tse di se ntiragalele."

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.

Veja também