5 Jaaka Filipo, yo o neng a ya kwa Samaria go bolelela batho ka ga Keresete teng. 6 Bontsintsi jo bogolo jwa batho bo ne jwa reetsa thata se o neng a tshwanetse go se bua ka ntlha ya go bona dikgakgamatso tse o neng a di dira. 7 Mewa e le mentsi e e maswe e ne ya ntshediwa kwa ntle, e goa fa e tswa mo bathong ba e neng e ba tsenye, mme ba le bantsi ba ba neng ba tetesela kgotsa ba ba neng ba golafetse ba fodisiwa, 8 mme ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo!