Pular para o conteúdo
Publicidade

Atos 9

Petere o tsosa Dorokase mo losong

36 Mo motseng wa Jopa go ne go na le mosadi a bidiwa Dorokase, (le fa e le Tshephe) modumedi yo o neng a tshela a direla ba bangwe bo-molemo, bogolo jang batlhoki. 37 Ka nako eo o ne a lwala mme a swa. Ditsala tsa gagwe tsa mmaakanyetsa phitlho mme tsa mo robatsa mo ntlwaneng e e kwa godimo. 38 Mme erile fa ba utlwa fa Petere a le gaufi mo Lida, ba roma banna ba le babedi go kopa go boela le bone kwa Jopa. 39 Mme o ne a dira jalo, erile fela fa a goroga, ba mo tseela kwa ntlwaneng ee kwa go-dimo kwa Dorokase o neng a beilwe teng. Ntlo e ne e tletse batlholagadi ba ba lelang ba ba neng ba bontshana diaparo tse Dorokase o di ba diretseng.

Veja também