15 Ke gone ka mo e leng gore, fa e sale fela e re ke sena go utlwalela kaga tumelo ya lona e e nonofileng mo go Morena Jesu le kaga lorato lo lo nang nalo mo Bakereseteng gongwe le gongwe, 16,17 ga ke ise ke ko ke khutle go leboga Modimo kaga lona. Ke lo rapelela gangwe le gape, ke kopa Mo-dimo, Rara yo o galalelang wa Morena wa rona Jesu Keresete, go lo naya botlhale go bona sentle le go tlhaloganya tota gore Jesu ke mang le gotlhe mo o go lo diretseng. 18 Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one.
19 Ke rapelela gore lo simolole go tlhaloganya ka fa nonofo ya One e leng kgolo ka teng go thusa ba ba dumelang mo go One. Mme e ntse ke yone fela nonofo e kgolo eo, 20 e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong, 21 kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang.
22 Mme Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe wa bo wa mo dira Tlhogo kgolo ya phuthego, 23 e e leng mmele wa gagwe, e e tladitsweng ka ene, Motlhodi le Moabi wa dilo tsotlhe gongwe le gongwe.