Re bangwefela mo go Keresete
11 Se lebaleng gore lo kile lwa bo lo le baheitane, le gore Bajuta ba ne ba lo bitsa batho ba ba senang Modimo, ba ba "leswe". (Mme le bone dipelo tsa bone di ne di santse di le leswe, le fa ba ne ba tsena mo dingwaong le mo medirong ya basiami, gonne ba ne ba ithupisa e le sesupo sa bomodimo). 12 Gakologelwang gore malatsing ao lo ne lo tshela kwa ntle ga ga Keresete; lo ne lo le baba ba bana ba Modimo mme o ne o sa lo solofetsa thuso epe. Lo ne lo latlhegile, lo sena Modimo, lo sena tsholofelo. 13 Mme jaanong lo ba ga Keresete, mme le fa lo kile lwa ne lo le kgakala le Modimo, jaanong lo tlisitswe gaufi le one ka ntlha ya se Keresete o se lo diretseng ka madi a gagwe.