Publicidade

Efésios 2

14 Gonne Keresete ka sebele ke tsela ya rona ya kagiso. O dirile kagiso fa gare ga rona Bajuta le lona Badichaba ka go re dira bana ba lolwapa lo le longwe, a diga lorako lwa kilano e e tletseng lonyatso e e neng e re kgaoganya. 15 Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso.

Veja também

Publicidade
Efésios
Ver todos os capítulos de Efésios
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-22_10-02-25-