Tshwaragano mo go Keresete
1 Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a. 2 Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang.
3 Lekang ka malatsi otlhe go gogwa ke Mowa O O Boitshepo, gore lo tle lo nne ka kagiso yo mongwe mo go yo mongwe.
4 Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang. 5 Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela, 6 gape rotlhe re na le Modimo o le mongwe fela le Rara yo o re okameng rotlhe ebile a le mo go rona rotlhe, a bile a tshela mo tokololong nngwe le nngwe ya rona. 7 Le fa go ntse jalo, Keresete o neile mongwe le mongwe wa rona dinonofo tsa botlhokwa, sengwe le sengwe se a batlang gore re nne naso se tswa mo polokelong ya gagwe e e tletseng dimpho.
8 Mopesalema o re bolelela kaga sone se, gonne a re erile fa Keresete a boela kwa legodimong a tletse boitumelo jwa phenyo morago ga tsogo ya gagwe mo baswing le go fenya Satane, o ne a naya batho dimpho tsa kutlwelo botlhoko.
9 Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe. 10 Ene yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng gape kwa legodimong, gore sengwe le sengwe se tlale ene gongwe le gongwe, go tswa mo go se se kwa tlase go ya kwa go se se kwa godimo.
11 Bangwe ba rona ba neetswe neo ya botlhokwa go nna baaposetoloi; ba bangwe o ba neile neo ya go rera sentle; ba bangwe ba na le neo ya botlhokwa ya go gapela batho mo go Keresete, ba ba thusa gore ba mo ikanye e le Mmoloki wa bone; mme ba bangwe ba na le neo ya go tlhokomela batho ba Modimo jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe, a ba goga a bile a ba ruta ka ditsela tsa Modimo.
12 Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng,