Mekgwa ya bogologolo
17,18 Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one.
19 Ga ba sa tlhole ba kgathala kaga tshiamo le bosula ebile ba ineetse mo ditseleng tse di makgapha. Ga ba tlogele sepe, ba dirisiwa ke megopolo ya bone e e bosula le dikeletso tsa bosutlha.