22 Lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela go gogwa ke banna ba lona fela jaaka lo ikobela Morena.
23 Gonne monna ke motlhokomedi wa mosadi wa gagwe fela jaaka Keresete e le motlhokomedi wa mmele wa gagwe ebong phuthego. (O ntshitse botshelojwa gagwe setlhabelo go e tlhokomela le go nna Mmoloki wa yone). 24 Jalo lona basadi ba lo nyetsweng, lo tshwanetse go ikobela banna ba lona ka lorato mo go sengwe le sengwe, fela jaaka phuthego e ikobela Keresete.