13 Jalo dirisang sengwe le sengwe sa seaparo sa Modimo sa phemelo go tlhabantsha mmaba fa a tlhasela, mme fa ntwa e sena go fela, lo tlaa bo lo santse lo eme.
14 Mme go dira jaana, lo tlaa tlhoka moitlamo wa lotheka o o thata wa boammaaruri le thebe ya sehuba ya tumelo ya Modimo. 15 Rwalang ditlhako tse di tlaa dirang gore lo dire ka bofefo fa lo rera Mafoko a a Molemo a kagiso le Modimo. 16 Mo ntweng nngwe le nngwe lo tlaa tlhoka tumelo go nna thebe ya lona go kganela metswi e e bogale e lo e lebagantsweng ke Satane. 17 Gape lo tlaa tlhoka tlhoro ya phemelo ya poloko le chaka ya Mowa e e leng Lefoko la Modimo.
18 Rapelang ka metlha yotlhe. Kopang Modimo sengwe fela ka fa dikeletsong tsa Mowa O O Boitshepo. O kopeng, lo o gakolola ka se lo se tlhokang, mme lo bo lo nne lo rapelele Bakeresete botlhe gongwe le gongwe ka tlhwaafalo.