Pular para o conteúdo
Publicidade

Gálatas 2

Paulo o tlhophilwe ke Modimo

11 Mme erile fa Petoro a tla mo Antioka ka tshwanelwa ke go mo ganetsa mo pontsheng, ke gatelela thata kgatlhanong le se a neng a se dira gonne se ne se sa siama gotlhelele.

12 Gonne erile fela lwa ntlha fa a goroga a bo a a ja le Bakeresete ba Badichaba (ba ba neng ba sa tshwenyege ka go rupa le melao e mengwe e mentsi ya Sejuta). Mme erile moraganyana fa ditsala dingwe tsa ga Jakobe tsa Sejuta di tla, a seka a tlhola a a ja le Badichaba gonne o ne a tshaba se badira melao ba ba Sejuta ba tlaa se buang, gonne ba ne ba sa khutlise go bua ba re, thupiso e botlhokwa mo polokong; 13 mme Bakeresete botlhe ba Bajuta le Barenabase tota ba fetoga baitimokanyi, ba etsa Petoro, le fa tota ba ne ba tlhaloganya botoka. 14 Erile fa ke bona se se diragalang le gore ba ne ba sa ikanyege kaga se tota ba neng ba se dumela, le gore ba ne ba sa sala morago boammaaruri jwa Mafoko a a Molemo, ka raya Petoro fa pele ga ba bangwe botlhe ka re, "Le fa wena o le Mojuta ka go tsalwa, ga o bolo go latlha melao ya Sejuta; jalo he, ke eng fa ka tshoganetso o leka gore badichaba ba, ba e obamela?

Veja também