6 Aberahame o ne a na le one maitemogelo a, Modimo wa mo supa fa a le moitekanedi go tsena mo legodimong fela ka gore o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo. 7 Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri.
8,9 Mo godimo ga moo, se sengwe gape ke eng, Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, "Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena." Mme go ntse fela jalo: botlhe ba ba ikanyang Keresete ba na le seabe mo go lone lesego le Aberahame o le amogetseng.