Pular para o conteúdo
Publicidade

Bagalatia 4:21-26

Sara le Hagare

21 Ntheetsang, lona ditsala tse di gopolang gore lo tshwanetse go obamela melao ya Sejuta gore lo bolokwe: ke eng fa lo sa batlisise tota se se rerwang ke melao eo?

22 Gonne go kwadilwe gore Aberahame o ne a na le bana ba basimane ba le babedi, yo mongwe o ne a tsetswe ke mosadi wa gagwe wa lelata mme yo mongwe o ne a tshotswe ke mosadi wa gagwe yo e leng ngwana wa motse.

23 Go ne go sena sepe se se sa tlwaelesegang kaga go tsholwa ga losea lwa mosadi wa lelata. Mme losea lwa mosadi yo e leng ngwana wa motse lo ne lwa tsholwa fela morago ga Modimo o solofetsa tota gore lo tlaa tsholwa.

24,25 Jaanong polelo e e boammaaruri e, ke setshwantsho kaga ditsela tse pedi tsa Modimo tsa go thusa batho. Tsela e nngwe e ne e le go ba neela melao ya one gore ba e obamele. O dirile jaana mo Thabeng ya Senai, fa o neela Moshe Melao e e Some. Thaba ya Senai, kana tota, e bidiwa "Thaba ya Hagare" ka Searabia, mme mo setshwantshong se ke se ntshitseng mosadi wa ga Aberahame Hagare, wa lelata, o emetse Jerusalema, mma-motse wa Bajuta, modi wa tsela ele ya go leka go itumedisa Modimo ka go leka go obamela Melao; mme Bajuta, ba ba lekang go sala morago tsela eo, ke bana ba one ba batlhanka. 26 Mme mma-motse wa rona ke Jerusalema wa selegodimo, ebile ga se motlhanka wa melao ya Sejuta.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.