4 Mme erile fa nako e e tshwanetseng e sena go tla, nako e Modimo o neng o e beile, wa roma Morwaone, a tsetswe ke mosadi, a tsetswe e le Mojuta, 5 go re rekela kgololesego, rona ba re neng re le batlhanka ba molao gore a tle a re godise re le bana ba gagwe tota.
6 Mme e re ka re le bana ba one, Modimo o rometse Mowa wa Morwa-one mo dipelong tsa rona, gore re nne le tshiamelo ya go bua ka Modimo re re ke Rraa rona yo o rategang.
7 Jaanong ga re sa tlhole re le batlhanka, re bana ba Modimo tota. Mme ere ka re le bana ba one, sengwe le sengwe se o nang naso ke sa rona, gonne ke ka fa go rulagantsweng ke Modimo ka teng.