Pular para o conteúdo
Publicidade

Bagalatia 5:1-6

Kgololesego ka Keresete

1 Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta. 2 Ntheetsang ka tlhawaafalo, gonne se ga se dinyana: fa e le gore lo ikaegile mo go rupisiweng ebile lo tshegetsa melao ya Sejuta go lo siamisa mo Modimong, jalo Keresete ga a kake a lo boloka. 3 Ke ipoeletsa gape ka re: le fa e le mang yo o lekang go nna botsalano le Modimo ka go rupisiwa o tshwanetse go obamela molao mongwe le mongwe wa Sejuta malatsi otlhe e seng jalo a nyelele. 4 Keresete ga a na thuso epe mo go lona fa lo ganelela mo go phimoleng molato wa lona kwa Modimong ka go tshegetsa melao eo: lo latlhegile mo tshegofatsong ya Modimo.

5 Mme rona ka thuso ya Mowa O O Boitshepo re ikaegile mo losong lwa ga Keresete go phimola dibe tsa rona le go re siamisa mo Modimong. 6 Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.