3 Mme go ne ga diragala ka tsela e sele: ditlhabelo tsele tsa ngwaga le ngwaga di ne tsa gakolola kaga go tlhoka theetso ga bone le molato wa bone mo boemong jwa go lapolosega ga mewa ya bone.
4 Gonne ga go kgonege ruri gore madi a dipoo le dipodi a tlose dibe.
5 Ke gone ka moo Keresete o rileng a tla mo lefatsheng a bua a re, "Modimo, madi a dipoo ga a kake a go itumedisa, jalo o mpaakanyeditse mmele o wame go o baya e le setlhabelo mo sebesong sa gago. 6 Ga o a itumedisiwa ke ditlhabelo tsa diruiwa, tse di neng di bolawa di bo di fisiwa fa pele ga gago e le ditshupelo tsa boleo. 7 Mme ka bua ka re, ‘Bona, ke tletse go dira thato ya gago, go ntsha botshelo jwa me setlhabelo, fela jaaka Dikwalo di boletse gore ke tlaa dira jalo.’ "
Re siamisiwa ka loso lwa ga Keresete
8 Erile Keresete a sena go bua jaana, ka go tlhoka go itumedisiwa ke ditlhabelo tse di farologanyeng, le ditshupelo tse di batlwang ka fa tsamaisong e kgologolo, 9 a oketsa a bua a re, "Ke fano. Ke tletse go ntsha botshelo jwa me setlhabelo." O tlosa tsamaiso ya pele ka go rata e e botoka e e itekanetseng. 10 Ka fa leanong le lesha le, re itshwaretswe ra bo ra ntlafadiwa ke Keresete ka go re swela gangwe fela.