Pular para o conteúdo
Publicidade

Bahebera 3:7,8,12,13,15

Re tshwanetse go reetse Keresete

7,8 Mme ere ka Keresete a le mogolo thata, Mowa O O Boitshepo o re tlhagisa go mo reetsa, go ela tlhoko go utlwa lentswe la gagwe gompieno, le go itsa dipelo tsa rona go nna kgatlhanong nae, jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira. Ba ne ba ithatafatsa dipelo go nna kgatlhanong le lorato lwa one ba bo ba o ngongoregela mo sekakeng a santse a ba leka.

12 Ke gone tlhokomelang dipelo tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang, e se re kgotsa lwa fitlhela gore le tsone di bosula ebile ga di dumele di lo gogela kgakala le Modimo o o tshelang. 13 Buisa-nyang ka dilo tse malatsi otlhe nako e santse e lo atlegetse, gore le fa e le ope wa lona a seka a thatafalela Modimo, a foufaditswe ke tsietso ya sebe.

15 Mme jaanong ke nako. Lo seka lwa ba lwa lebala tlhagiso e e reng, "Fa lo utlwa lentswe la Modimo gompieno le bua le lona, se o thatafaletseng dipelo tsa lona jaaka bana ba Iseraele ba ne ba dira fa ba o tsogologela mo sekakeng."

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.