Pular para o conteúdo
Publicidade

Hebreus 8

6 Mme Keresete, jaaka e le moperesiti kwa legodimong, o duetswe ka tiro e e botlhokwa thata go gaisa ba ba dirang ka fa melaong e megologolo, gonne Kgolagano e ncha e a e fetiseditseng kwa go rona e tswa kwa Modimong e na le ditsholofetso tse di molemo thata.

7 Kgolagano e kgologolo ga e ise e ke e bo e nne le thuso epe. Fa e ka bo e ne e na le thuso, go ka bo go ne ga seka ga tlhokega gore kgolagano e ncha e nne teng. 8 Mme Modimo ka sebele o ne wa bona phoso mo kgolaganong e kgologolo, gonne o ne wa re, "Letsatsi le tlaa tla la gore ke dire kgolagano e ncha le batho ba Iseraele le batho ba Juda. 9 Kgolagano e ncha e ga e kitla e tshwana le e kgologolo e ke neng ka e neela borraabo ka letsatsi le ke neng ka ba tshwara ka seatla go ba etelela pele ke ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto; ga ba a ka ba tlhomama mo kgolaganong eo; jalo ka tshwanelwa ke go e tlosolosa. 10 Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me. 11 Mme ga go na ope yo o tlaa tlhokang go bua le tsala ya gagwe kgotsa molekane kgotsa morwa rraagwe, a re, Le wena o tshwanetse go itse Morenagonne mongwe le mongwe, yo mogolo le yo monnye, ba tlaa bo ba setse ba nkitse. 12 Mme ke tlaa ba utlwela botlhoko mo ditirong tsa bone tse di bosula, ebile ga ke na go tlhola ke gakologelwa dibe tsa bone".

13 Modimo o bua ka ditsholofetso tse di ncha tse, tsa kgolagano e ncha e, gore di tsaya maemo a kgolagano e kgologolo; gonne e beetswe kwa thoko ka bosakhutleng.

Veja também