Pular para o conteúdo
Publicidade

Johane 1

45 Nathaniele a hakgamala a re. 46 "Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?" Filipo a re, "Tla fela o iponele." 47 Ya re ba atamela Jesu a re, "Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri."

48 Nathaniele a re, "O nkitsile jang?" Mme Jesu a fetola a re, "Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona."

49 Nathaniele a fetola a re, "Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!"

50 Jesu a mmotsa a re, "A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse. 51 O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo."

Veja também