14 "Ke Modisa yo o Molemo ebile ke itse dinku tsa me, le tsone di a nkitse. 15 Fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; jalo ke ntshetsa dinku botshelo jwa me. 16 Ke na le dinku tse dingwe mo lesakeng le lengwe. Le tsone ke tshwanetse go di lere, mme di tlaa utlwa lentswe la me; jalo go tlaa nna letsomane le le lengwe ka fa tlase ga tlhokomelo ya Modisa a le mongwe fela.