1,2 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. 3 Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, "Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata."
4 Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, "Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo."
5 Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, 6 o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. 7 Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, "A re yeng kwa Judea."
8 Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, "Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?"
9 Jesu a fetola a re, "Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. 10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi." 11 Mme a bua a re, "Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!" 12,13 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, "Moo go raya gore o nna botoka!" Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
14 Mme a ba bolelela sentle a re, "Lasaro o sule.