Loso lwa ga Lasaro
1,2 Mme jaana ga bo go le monna mongwe yo o neng a bidiwa Lasaro yo o neng a lwala. O ne a tswa Bethania motse wa ga gabo Marea Le Maratha mogolowe. Marea Kgaitsadia Lasaro, ke ene yo o kileng a tlotsa Morena setlolo a ba a se phimola mo dinaong tsa gagwe ka moriri. 3 Mme bokgaitsadie ba babedi ba romela molaetsa kwa go Jesu ba mo raya ba re, "Morena, tsala ya gago e e molemo e lwala thata thata."
4 Mme erile fa Jesu a utlwa ka ga moo, a re, "Maikaelelo a bolwetse jwa gagwe ga se loso, mme ke maikaelelo a gore Modimo o tlo o galalediwe. Nna, Morwa Modimo, Ke tlaa galalediwa ka ga jone bolwetse jo."
5 Lefa Jesu a ne a rata Maratha le Marea le Lasaro thata, 6 o ne a nna fela kwa a neng a le teng malatsi a mabedi a a latelang a sa ye kwa go bone fa a sena go bolelelwa. 7 Lwa bofelo morago ga malatsi a mabedi, a raya barutwa ba gagwe a re, "A re yeng kwa Judea."
8 Mme barutwa ba gagwe ba gana ba re, "Morena, malatsinyana fela a a fetileng a se kae, baeteledipele ba Sejuta mo Judea ba ne ba leka go go bolaya. A o yo teng gape?"
9 Jesu a fetola a re, "Motshegare mongwe le mongwe o na le dioura di le lesome le bodedi, mme mo oureng nngwe le nngwe ya one motho o ka tsamaya a babalesegile a sa kgotswe. 10 Bosigo fela ke gone go nang le diphatsa tsa go kgotswa, ka ntlha ya lefifi." 11 Mme a bua a re, "Tsala ya rona Lasaro o robetse, mme jaanong ke ya go mo tsosa!" 12,13 Erile ka barutwa ba ne ba gopola gore Jesu o raya gore Lasaro o robetse boroko fela jwa bosigo, ba re, "Moo go raya gore o nna botoka!" Mme Jesu o ne a raya gore Lasaro o sule.
14 Mme a ba bolelela sentle a re, "Lasaro o sule. 15 Mme ka ntlha ya lona, Ke a itumela, ka ke ne ke se fa go ene, mme mo go tlaa lo naya sebaka sa go dumela mo go nna. A re yeng kwa go ene." 16 Thomase yo o bidiwang "Lewelana" a raya barutwa ba bangwe ka ene a re, "A re tsamaeng le rona re ye go swa nae."
Jesu o tsosa Lasaro mo losong
17 Mme ya re ba goroga kwa Bethania, ba bolelelwa gore Lasaro o setse a le mo phupung malatsi a le mane. 18 Bethania o ne a le dimmaele di se kae fela ka tsela e e tswang Jerusalema, 19 mme baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba tsile Maratha le Marea matshidiso. 20 Erile fa Maratha a utlwa gore Jesu o e tla, a ya go mo kgatlhantsha, mme Marea ene a sala mo lwapeng.
21 Maratha a raya Jesu a re, "Morena, fa o ka bo o ne o le fano kgaitsadiake o ka bo a sa swa. 22 Mme le jaanong ga go ise go fete nako e telele thata, gonne ke itse gore Modimo o tlaa lere kgaitsadiake mo botshelong gape, fa o ka mo kopa gore a dire jalo."
23 Jesu a mo raya a re, "Kgaitsadio o tlaa rula."
24 Maratha a re, "Ee, fa mongwe le mongwe a rula mo Letsatsing la Tsogo."
25 Mme Jesu a mo raya a re, "Ke nna yo ke tsosang baswi ke bo ke ba naya botshelo gape. Le fa e le mang yo o dumelang mo go nna, le mororo a a swa jaaka mongwe le mongwe, o tlaa tshela gape. 26 O neelwa botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya go dumela mo go nna mme ga a kitla a nyelela, A o dumela se Maratha?"
27 Mme Maratha a re, "Ee, Morena, ke dumela gore o Mesia, Morwa Modimo, ene tota yo re sa bolong go mo letela."
28 Mme a mo tlogela a boela kwa go Marea, mme a feta a mmiletsa kwa thoko ga ba ba tsileng ma-tshidiso, a mo raya a re, "Jesu o fano o batla go go bona." 29 Mme Marea a itlhaganelela kwa go ene. 30 Ka nako eo Jesu o ne a ntse ka kwa ntle ga motse, kwa lefelong le Maratha a neng a rakana le ene teng. 31 Fa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba le mo tlung ba leka go gomotsa Marea ba bona a nanoga ka bofefo, ba ne ba gopola gore o ya kwa phupung ya ga Lasaro go lela; jalo ba mo sala morago.
32 Erile fa Marea a goroga kwa Jesu a leng teng, a wela ka mangole fa pele ga dinao tsa gagwe a mo raya a re, "Morena, fa o ne o le fano, kgaitsadiake o ka bo a sa ntse a tshela." 33 Erile fa Jesu a mmona a lela, le baeteledipele ba Sejuta ba lela nae a hohomoga mo moweng a huduega. 34 Mme a ba botsa a re, "O fitlhilwe kae?", "Tla o bone."
35 Jesu a lela.
36 Mme baeteledipele ba Sejuta ba re, "Ba ne ba le ditsala tse di ratanang thata. Bonang gore o ne a mo rata jang."
37,38 Mme bangwe ba re, "Motho yo o foufolotse monna wa sefofu, ke eng a ne a sa dire gore Lasaro a seka a swa?" Mme gape Jesu a hohomoga mo moweng. Mme ba tla kwa lebitleng. Lebitla leo e ne e le logaga lo lo tswalwang ka lentswe le legolo thata.
39 Jesu a ba raya a re, "Pitikololelang lentswe kwa thoko." Mme Maratha, kgaitsadia moswi, a re, "Ka nako eno monkgo wa gagwe o tlaa nna maswe thata, gonne o na le malatsi a le mane a sule." 40 Jesu a mmotsa a re, "A mme ga ke a go raya ka re o tlaa bona kgakgamatso e e tswang Modimong fa o dumela?"
41 Mme ba pitikololela lentswe fa thoko. Jesu a leba kwa legodimong mme a re, "Rara, ke lebogela go nkutlwa ga gago. 42 (O nkutlwa ka gale, ee, mme ke ipoeleditse ka ntlha ya batho ba botlhe ba ba emeng fano, gore ba tle ba dumele fa o nthomile)."
43 Mme a goa a re, "Lasaro, tswela kwa ntle!"
44 Mme Lasaro a tswa a fapilwe ka matsela a phitlho, sefatlhogo sa gagwe se fapilwe ka tuku. Jesu a ba raya a re, "Mmofololeng lo mo lese a tsamaye!"