Jesu o tsena mo Jerusalema
12 Letsatsi le le latelang, dikgang tse di reng Jesu o mo tseleng ya Jerusalema tsa anama mo motseng, mme bontsintsi jo bogolo jwa baeti ba Tlolaganyo, 13 jwa tsaya dikala tsa makolane mme jwa fologela mo tseleng go mo kgatlhantsha ba goa ba re, "Mmoloki! Modimo segofatsa Kgosi ya Iseraele! A go bakwe moemedi wa Modimo!" 14 Jesu a tsamaya a palame tonkana, a diragatsa seporofeso se se reng 15 "Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!"
16 (Barutwa ba gagwe ba seka ba lemoga ka nako eo gore se e ne e le tiragatso ya seporofeso; mme morago ga Jesu a boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, ba simolola go lemoga gore go setse go diragetse diporofeso di le kae tsa lokwalo mo matlhong a bone).
17 Mme ba ba mo bontsintsing joo ba ba neng ba bonye Jesu a tsosa Lasaro mo baswing ba ne ba bolela gotlhe ka gone. 18 Ke sone se batho ba le bantsi ba neng ba ya go mo kgatlhantsha, gonne ba ne ba utlwile kgakgamatso e tona eo. 19 Mme Bafarasai ba raana ba re, "Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!"