Jesu o bua ka loso lwa gagwe
20 Bagerika bangwe ba ba neng ba tsile mo Jerusalema go obama mo Tlolaganyong, 21 ba etela Filipo yo a neng a tswa Bethesaida, mme ba feta ba re, "Rara, re batla go rakana le Jesu."
23,24 Jesu a ba fetola ka gore nako e mo gorogetse ya go boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, le gore, "Ke tshwanetse go wa ka swa jaaka tlhaka ya mabele e e welang mo mmung wa boleme. Fa ke sa swe, ke tlaa nna ke le nosi, peo e e yosi. Mme loso lwa me lo tlaa tlhogisa ditlhaka tsa mabele di le dintsi, thobo e kgolo ya matshelo a masha.
32 Mme fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?" 33 O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng.