Jesu o tlhapisa barutwa ba gagwe dinao
1-3 Jesu o ne a itse mo maitseboeng a tsatsi la Tlolaganyo gore ke bosigo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng pele ga a boela kwa go Rraagwe. Erile go jewa dijo tsa maitseboa Diabolo a bo a setse a feditse mogopolo wa ga Judase Isekariota, morwa Simone, gore jo ke bosigo jwa gore a dirise leano la gagwe la go oka Jesu. Jesu o ne a itse gore Rara o mo neetse sengwe le sengwe le gore o ne a tswa kwa Modimong le gore o tlaa boela kwa Modimong. Le ka fa a neng a rata barutwa ba gagwe ka teng! 4 Mme a tswa fa lomating lwa bojelo, (tafole) a apola seaparo sa gagwe, a thathelela toulo (taole) mo lothekeng, 5 a tshela metsi mo mogotswaneng mme a simolola a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao a ba a di phimola ka taole e a neng a ithathile ka yone.
6 Erile a tla fa go Simone Petere, Petere a mo raya a re, "Morena, ga o a tshwanela o ka bo o re tlhapisa dinao!"
7 Jesu a fetola a re, "Ka nako e ga o tlhaloganye se ke se dirang, mme o tlaa tlhaloganya ka letsatsi lengwe."
8 Petere a gana a re, "Nnyaa, ga o kitla o ntlhapisa dinao gope!" Mme Jesu a fetola a re, "Kana fa ke sa di tlhapise, ga o kake wa nna mopati wa me."
9 Simone Petere a mo raya a re, "Mme tlhapisa diatla tsa me le tlhogo, e seng dinao fela!"
10 Jesu a fetola a re, "Yo o setseng a tlhapile mmele otlhe o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela gore a nne phepa gotlhelele. Jaanong o phepa, mme ga go a nna jalo mo go mongwe le mongwe yo o fano." 11 Gonne Jesu o ne a itse gore o tlaa okwa ke mang. Ke sone se a neng a se raya fa a re, "Ga lo phepa lotlhe."
12 Erile a sena go ba tlhapisa dinao, a apara seaparo sa gagwe gape mme a nna fa fatshe a botsa potso a re, "A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira? 13 Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena’, mme lo dira sentle go bua jalo, gonne ke boammaaruri. 14 Mme ka nna, Morena, le Moruti, ke lo tlhapisitse dinao, lo tshwanetse go tlhapisanya dinao fela jalo. 15 Ke lo neile sekai se lo tshwanetseng go se sala morago: dirang jaaka ke lo diretse. 16 Go boammaaruri thata jang gore motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe. Le fa e le morongwa ga a mogolo go motho yo o mo romang. 17 Lo itse dilo tse, jaanong di direng! Ke yone tsela ya matlhogonolo.