Jesu o itshwantsha le mofine
1 "Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rara ke ene mmaakanyi wa tshimo. 4 Elang tlhoko gore lo nne mo go nna, le nna ke nne mo go lona. Gonne ga e kake ya re kala e kgaotswe mo mofineng ya ungwa, le lona ga lo kake lwa ungwa kwa ntle ga me.
5 "Ee, ke mofine; lona lo dikala. Lefa e le mang yo o nnang mo go nna le nna ke nna mo go ene, o tlaa ungwa loungo lo logolo. Gonne ga go na sepe se lo ka se dirang kwa ntle ga me. 7 Mme fa lo nna mo go nna lo reetsa ditaolo tsa me, lo ka kopa kopo nngwe fela e lo e ratang, mme lo tlaa e newa!
Lefatshe le tlaa ila barutwa ba ga Jesu
16 "Ga lo a ntlhopha! Ke nna ke lo tlhophileng! Ke lo tlhomile go ya go ntsha maungo a mantle malatsi otlhe, gore le fa e le eng se lo se kopang mo go Rara, lo dirisa leina la me, o tlaa se lo neela.