7 Mme boammaaruri ke gore, go lo solegela molemo fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a na go tla. Fa ke tsamaya, o tlaa tla, gonne ke tlaa mo romela kwa go lona.
8 "Mme fa a sena go tla, o tlaa senolela lefatshe boleo jwa lone, le gore tshiamo ya Modimo e teng, le kgololo mo katlholong. 9 Boleo jwa lefatshe ke go sa dumeleng mo go Nna; 10 mme tshiamo e teng gonne ke ya kwa go Rara mme ga lo na go tlhola lo mpona gape; 11 go na le go gololwa mo katlholong gonne kgosana ya lefatshe leno e setse e bile e atlhotswe.