20 "Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba. 21 Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile.
22 "Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse, 23 Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata.