23,24 Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, "Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe," gonne se ne se sena momeno, "A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang." Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, "Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola."
25 Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena. 26 Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, "Ke morwao." 27 Nna a nthaya a re, "Ke mmago." Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me.