Go swa ga ga Jesu
28 Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, "Ke nyorilwe." 29 Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe. 30 Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, "Go fedile," mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe.