13 Mme ya bo e le lobaka lwa Tlolaganyo ya Sejuta ya ngwaga le ngwaga, mme Jesu a ya Jerusalema.
14 Mme a bona mo patlelong ya Tempele barekisi ba rekisa dikgomo, dinku le maphoi e le ga ditlhabelo, le baananyi ba madi ba le ka fa morago ga mabati a go ananyediwang mo go one. 15 Erile Jesu a bona go dirwa jalo a loga seiteo sa megala, a ba lelekela kwa ntle le dinku le dipelesa, a gasagasa madi a baananyi mo bodilong, a pitikolola ditafole tsa bone! 16 Hong ya re a ya kwa banneng ba ba rekisang maphoi a ba raya a re, "Ntshang dilo tse fa. Se fetoleng Ntlo ya ga Rre ntlo ya marekisetso!"
17 Mme barutwa ba gagwe ba gakologelwa seporofeto se se mo dikwalong se se reng, "Tlhoafalelo ya ntlo ya Modimo e tlaa nna tirololo ya me."