Pular para o conteúdo
Publicidade

Johane 20

Jesu o bonala mo go Marea Magatalena

11 Mme ka nako eo Marea o ne a boetse kwa phupung a eme kwa ntle a lela. Mme ya re a ntse a lela a inama a leba mo teng. 12 Mme a bona baengele ba le babedi ba apere diaparo tse ditshweu yo mongwe a ntse fa tlhogong yo mongwe kwa maotong a lefelo le mmele wa ga Jesu o neng o namaletse mo go lone.

13 Baengele ba mmotsa ba re "O lelelang?" A ba fetola a re, "Gonne ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mmeileng teng." 14 A gadima mme a bona mongwe a eme fa morago ga gagwe. E ne e le Jesu, mme a seka a mo lemoga! 15 Mme Jesu a mmotsa a re, "O lelelang? O batla mang?" Mme a mo raya a re, "Fa o mo tsere, mpolelela kwa o mmeileng teng, mme ke tlaa tsamaya ke ya go mo tsaya."

16 Mme Jesu a mmitsa a re, "Marea!" Mme Marea a retologela kwa go ene a araba "Morena!"

17 A mo tlhagisa a re, "Se nkame, gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye go senka bana ba ga Rre o ba bolelele gore ke tlhatlogela kwa go Rara le Rraa lona, Modimo wa me le Modimo wa lona." 18 Marea Magatalena a bona barutwa mme a ba bolelela a re, "Ke bonye Morena!" Mme a ba bolelela molaetsa wa gagwe.

Veja também